MOLAOTLHOMO WA KILETSO YA MEEPO YA TWANTSHA MOTHO
jaaka o tlhagisitswe ke Kopano ya Bosetšhaba jaaka karolo ya Molaotlhomo e e phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso No. 23744 ya di 26 Phatwe 2002 Temana ya Seesimane ke temana ya semmuso ya Molaotlhomo
TONA YA TSHIRELETSO
se
MOLAOTLHOMO
Go laola 'Tumalano mo Kiletsong ya Tiriso, Bobolokelo, Tlhagiso le Phetiso ya Meepo ya Twantsha Motho le mo Tshenyegong ' go ya mo molaong; go tlamelela tshenyego ya meepo ya twantsha motho; go tlamelela tlhatlhobo ya selegae le ya boditšhabatšhaba; go tlamelela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba; le go tlamelela merero e e amanang natso.
LE MORORO meepo ya twantsha motho e tlhama pogisego ya kgaolo e e bolayang le go golafatsa batho ba ba se nang molato ba ba se nang go iphemela ka nako ya dithulano tsa dintwa le go thibela tlhabololo ya loago ikonomi le kagolešwa.
LE MORORO meepo ya twantsha motho e nnile le diphetho tse di sa tsepamiseng mo ditšhabeng tsa tlwaelo tsa Aferika le mo kgaolong ya Baagi ba Tlhabololo ya Aferika e e Borwa segolo;
LE MORORO baagi ba tshwanetse go tshela mo tikologong e e babalesegileng;
LE MORORO kiletso e e gotlhe, e e ageletsang e le gaufi le tshenyo ya meepo ya twantsha motho ke tsona fela tharabololo go ntsha lefatshe mo pogisegong e;
LE MORORO Repaboleki e beile morathoriamo mo thomelong ntle ya meepo yotlhe le go senya e le esi bobolokelo botlhe ba meepo ya twantsha motho ya Repaboleki go boloka tse di tsholetsweng mabaka a go tlhabolola le go diragatsa katiso mo temogong ya moepo, kgololo ya moepo, pusetso morago ya moepo kana dithekeniki tsa tshenyo ya moepo;
LE MORORO thuso ya selegae le ya boditšhabatšhaba le tirisanommogo di le botlhokwa go netefatsa tloso ya bonako ya meepo ya twantsha motho mmogo le tlhokomelo, tsosoloso le kopanyo gape ya loago le ikonomi tsa batswaditlhabelo ba moepo;
LE MORORO Repaboleki e saenne le go siamisa Tumalano ka Kiletso ya Tiriso, Bobolokelo, Tlhagiso le Phetiso ya Meepo ya Twantsha Motho le mo Tshenyong ya yona ya di 18 Lwetse 1997;
LE MORORO Tumalano e tlhoka Mekgatlho ya Dinaga go tsaya dikgato tsa semolao tse di maleba go thibela le go gatelela ditiro tse di ileditsweng ke Tumalano;
LE MORORO Repaboleki o ineetse go diragatsa molao wa botho jwa boditšhabatšhaba le molao wa boditšhaba mo thulanong ya dibetsa.
KA GO RIALO GO LAOLETSWE ke Palamente ya Repaboleki ya Aferika Borwa, jaaka go latela: ... 
THULAGANYO YA MOLAO
Dikarolo
Ditlhaloso
KGAOLO YA 1
DIDIRISIWA LE TIRAGATSO YA MOLAO,
TAOLELO YA TUMELANO GO YA MOLAONG
Didirisiwa tsa Molao
Taolelo ya Tumelano go ya molaong
Tiragatso ya naga tlaleletso ya Molao le taolo
KGAOLO 2
KILETSO, MELATO LE DIKOTLHAO
Kiletso
Melato le dikotlhao
KGAOLO 3
DITHEBOLO
Tona a ka nna a dumelela go nna le meepo ya twantsha motho
Tona a ka nna a dumelela phetiso ya meepo ya twantsha motho
Batlhankedi ba makgetho
Dimusiamo tsa botlhe, dimusiamo tsa sesole, bakgobokanyi tsa poraefete le bakgobokanyi ba setšhaba
Ditiro tsa sesole
KGAOLO 4
TSHENYO LE KGOLOLO YA MEEPO YA TWANTSHA MOTHO
Pusetso ya meepo ya twantsha motho le tatlhegelo kwa Nageng
Tshenyo ya meepo ya twantsha motho e e tshwerweng mo Repaboleking
KGAOLO 5
DITLHATLHOBO TSA SELEGAE
Tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae
Maemo a a beilweng mo motlhatlhobing wa selegae
Khutliso ya tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae
Tseno le phuruphutso ya mafelo ka thebolelo
Itemoso pele ga tseno, le twantsho kgatlhanong le tseno
Tseno le phuruphutso ya mafelo kwa ntle ga thebolelo
Melato le dikotlhao malebana le phuruphutso ya mafelo
KGAOLO 6
DITLHATLHOBO TSA BODITŠHABATŠHABA
Maikaelelo a go bona nnete a boditšhabatšhaba mo Repaboleking.
Setefekeiti jaaka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Maemo a a beilweng mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba.
Ditshireletso le ditshwanelo tsa batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba.
KGAOLO 7
TIRISANOMMOGO YA BODITŠHABATŠHABA
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba
Tumelelo go tsaya karolo mo maikaelelong a go bona dintlha ka boditšhabatšhaba ka kwa ntle ga Repaboleki.
KGAOLO 8
TSHEDIMOSETSO LE DIREKOTO
Go begela
Maatla go kokoanya tshedimosetso
Rekoto ya meepo ya twantsha motho e e tshwerweng kana e nyeleditswe
Melato le dikotlhao malebana le tlamelo ya tshedimosetso.
KGAOLO 9
DITLAMELO KA KAKARETSO
Dikaelo tsa go katisa
Melawana
Kemedi ya maatla le asaenemente ya tiro
Setlhogo se se khutshwane le tshimologo
MAMETLELELO
Ditlhaloso
Mo molaong o, lefoko lefe kana lefe le bokao bo bo neilweng mo Tumalanong le rwele bokao bo bo neilweng mo go bona le kwa ntle ga fa diteng tiriso di supela se sengwe-
moemedi' o kaya motho yo o thapilweng mo boemong ba Lefapha la Tshireletso kana Tirelo ya Mapodisa ya Aferika Borwa go senya meepo ya twantsha motho kana go tlhabolola le go tsamaisa katiso mo temogong ya moepo, kgololong ya moepo le dithekeniki tsa tshenyo ya moepo;
moepo wa twantsha motho' o akaretsa moepo ofe kana ofe kana tlamaganyo e e dirang ka mokgwa o o tsepameng ka moepo wa twantsha motho jaaka o tlhalosiwa mo Tumalanong;
karolo ya dirwe' e kaya serwe sefe kana sefe se se lemotshegang se se diretsweng kana se siamiseditswe go bopa karlo ya moepo wa twantsha motho;
Tumalano' e kaya Tumalano mo Kiletsong yaTiriso, Bobolokelo, Tlhagiso le Phetiso ya Meepo ya Twantsha Motho le mo Tshenyong ya bona, ya di 18 Lwetse 1997, e e tlhagisitsweng mo Mametlelelong mme e saennwe ke Repaboleki ka di 3 Sedimonthole 1997 le go siamisiwa ke Repaboleki ka di 26 Seetebosigo 1998;
batlhankedi ba makgetho' ba kaya motlhankedi jaaka a tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Makgetho le Lekgetho la dithoto, 1964 (Molao No. 91 wa 1964);
Lefapha la Tshireletso' le kaya Bokaedi ba Tshireletso le Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aferika Borwa jaaka se bidiwa mo karolong 48 ya Molao wa Tshireletso, 1957 (Molao No. 44 wa 1957);
motlhatlhobi wa selegae' o kaya motho yo o tlhomilweng jaaka motlhatlhobi wa selegae ke Tona go ya ka karolo 14;
mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso' o kaya leloko la Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aferika Borwa yo o thapilweng go ya ka Molao wa Tshireletso, 1957 (Molao No. 44 wa 1957), le mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso yo o thapilweng go ya ka Molao wa Tirelo ya Bosetšhaba, 1884 (Kgoeletso No. 193 ya 1994);
seromelwantle' se kaya-
a go tsena mo tumalanong ga motho mo Repaboleking go tlamela motho yo mongwe kwa ntle ga Repaboleki ka moepo wa twantsha motho, go sa kgathalesege gore seo se dirwa ka thefosano ya mokgwa wa madi kana phatlho efe kana efe kana tshiamelo; kana b phetiso ya moepo wa twantsha motho go tswa Repaboleking go ya lefelong lefe kana lefe ka kwa ntle ga Repaboleki, kana go dira gore moepo wa twantsha motho go fetisiwa jalo, seo se dirwa kana se sa dirwe ka thefosano ya mokgwa wa madi kana patlho efe kana efe kana tshiamelo;
c 'seromelwateng' se kaya go tlisa moepo wa twantsha motho mo karolong efe kana efe ya Repaboleki kana go tlhola moepo wa twantsha motho go tlisiwa ka fa teng, seo se dirwa kana se sa dirwe ka thefosano ya mokgwa wa madi kana phatlho e nngwe efe kana efe kana tshiamelo;
tshedimosetso' e kaya tshedimosetso efe kana efe e e kwadilweng go sa kgathalesege sebopego kana puo;
motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba' o kaya motho yo o tlhomilweng ke Mokwaledi - Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng jaaka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba le yo o bopang karolo ya maikaelelo a boditšhabatšahaba a go bona nnete mo Repaboleking;
go dira' go akaretsa thulaganyo, tlhabololo, tlhagiso le kokoanyo ya meepo ya twantsha motho;
Tona' e kaya Tona ya Tshireletso;
sethwe sa naga' se kaya sethwe sa naga jaaka setlhalosiwa mo karolong 239 ya Molaotheo;
mokgatlho' o kaya naga efe kana efe e e saenneng le go siamisa kana e e dumalaneng le Tumalano;
motho' o na le bokao bo bo beilweng mo go ena mo Molaong wa Thanolo, 1957 (Molao No. 33 wa1957) le kwa ntle ga karolo 30, o tsenyeletsa sethwe sa naga;
lefelo' malebana le moepo wa twantsha motho, le kaya go dirisa, go baya, go tlhoma kana aga moepo wa twantsha motho ka tsela e e ka bakang thunyo ka go nna teng, bogaufi kana kgolagano ya motho;
motlhankedi wa sepodisi' o kaya-
a leloko la Tirelo ya Sepodisa sa Aferika Borwa jaaka se tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Tirelo ya Sepodisi sa Aferika Borwa, 1995 Molao No. 68 wa 1995;
b motho yo o emisitsweng ke Tona ya Tshireletsego le Pabalesego jaaka motlhankedi wa sepodisi;
c motlhankedi wa sepodisi sa sesole; kana d leloko lefe kana lefe la Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aferika Borwa le boloditswe ka tiro e e tshwaraganetsweng le Tirelo ya Sepodisi ya Aferika Borwa.
go nna le sengwe' go kaya go nna le moepo wa twantsha motho ka fa tlase ga taolo ya motho mo lefelong ka fa tlase ga taolo ya motho;
lefelo' le tsenyeletsa lefatshe lefe kana lefe, moago kana kago kana koloi efe kana efe, sekepe, sesutlhalefaufau kana mokgwa ofe kana ofe wa go tsamaisa;
tshenko' e kaya go bona moepo wa twantsha motho ka theko, tatlhegelo, kabo, kabo ya thoto, phetiso kana thibololo;
Molao o' o tsenyeletsa molawana ofe kana ofe o o dirilweng ka fa tlase ga karolo 32;
phetiso' e tsenyeletsa -
a phetiso ya setlhogo go ya go, le taolo mo moepong wa twantsha motho;
b go rekisa, go hira, go hirisa, go adimana, go adima, go aba, go neela, go rekisa, go amogela kana go kgaogana le, kana go bona go nna le moepo wa twantsha motho; le c phetiso ya moepo wa twantsha motho go ya teng le kwa ntle ka naga ya Repaboleki ka mokgwa ofe kana ofe mme go sa ame phetiso ya lefatshe e e tshotseng meepo e e beilweng ya twantsha motho.
KGAOLO 1
MAIKAELELO LE TIRAGATSO YA MOLAO,
LE TAOLELO YA TUMALANO MO MOLAONG
Maikaelelo a Molao
Maikaelelo a Molao ke -
a go laola Tumalano mo molaong jaaka go tlhokiwa ke karolo 2313 ya Molaotheo;
b go netefatsa gore sengwe le sengwe se se dirwang go ya ka Molao se tsamaisana le maikano a Repaboleki go ya ka dikaelo tsa Tumalano;
c go iletsa tiriso, bobolokelo, tlhagiso, tlhabololo, kamogelo le phetiso ya meepo ya twantsha motho le go netefatsa tshenyo ya teng;
d go tlamela ditlhatlhobo tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba; le e go tlamela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba.
Taolelo ya Tumalano mo molaong
 Go ya ka Molao, Tumalano e na le maatla a molao mo Repaboleking.
Tona e ka nna ya re nako le nako ka kitsiso mo Kuranteng ya Mmuso ya mametlelela Mametlelelo go bontsha diphetogo dife kana dife tse di diretsweng kwa Tumalanong fa diphetogo tseo di bofa mo Repaboleking go ya ka karolo 231 ya Molaotheo.
Molao wa tiragatso ya tlaleletsonaga le taolo
1 Kgotlatshekelo efe kana efe ya bokgoni, e e tsenyeletsang kgotlatshekelo ya sesole jaaka e tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Ditheo tsa Tlaleletso ya Kgalemo ya Sesole, 1999 Molao No. 16 wa 1999, o ka nna wa, ka tumelo e e kwadilweng ya Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi ba Setšhaba, le ka efe kana efe -
a moagi wa Aferika Borwa jaaka a bonwa mo Molaong wa Baagi wa Aferika Borwa, 1995 Molao No. 88 wa 1995;
b motho wa molao yo o tsentsweng kwa e kwadisitsweng mo Repaboleking, kana c motho yo o akanngwang mo karolong 3 ya Molao wa Ditheo tsa Tlaleletso tsa Kgalemo ya Sesole, 1999 Molao No. 16 wa 1999, motho yo e le kana e se moagi wa Aferika Borwa;
mo tlolomolaong efe kana efe go ya ka Molao o, go sa tlogelwe lebaka la gore kgato kana tlogelo e ponomolato e amanang nayo e ne ya dirwa ka kwa ntle ga Repaboleki.
Go sa tlogelwa molao ofe kana ofe o o ganetsang, kgotlatshekelo ya magiseterata ofe kana ofe o na le taolo go fetisa kotlhao efe kana efe e e tlamelelwang go ya ka dikaelo tsa Molao o.
KGAOLO 2
KILETSO, MELATO LE DIKOTLHAO
Kiletso
Go ya ka karolo 7 kana 8, ga go motho yo o ka -
a bayang, nnang, bonang, dirang, bolokelang, fetisang, dirang ka, go romelwa teng kana go romelwa ntle moepo wa twantsha motho;
b nnang, bonang, dirang, bolokelang, fetisang, dirang ka, go romela teng kana go romela ntle karolo ya serwe le c nnang, bonang, dirang, fetisang, dirang ka, dithulaganyo tsa go romela teng kana go romela ntle kana go rulaganyetsa mabaka a go dira moepo wa twantsha motho kana karolo ya serwe.
 Motho mongwe le mongwe wa tlholego yo o tlolang tlamelo ya karolo 5 o molato wa tlolomolao mme o tshwanelwa ke ponomolato go ya tuedisong kana go ya kgolegelong ya nako e e sa feleng dingwaga tse 25 kana go tse pedi tuediso le kgolegelo e e jalo.
Motho mongwe le mongwe yo o laolang yo o tlolang tlamelo ya karolo 5 o molato wa tlolomolao mme o tshwanelwa ke ponomolato ya go ya tuedisong e e sa feteng R1 MILLIONE.
Ponomolato ka kgotlhatshekelo efe kana efe ya tlolomolato ka fa tlase ga Molao e ka, mo tlaleletsong kwa kotlhaong efe kana efe e nngwe e e neetsweng malebana le tlolomolao go supa sebetsa, koloi, yunifomo, didirisiwa kana thoto e nngwe kana go gana malebana le tlolomolao e e neng e dirilwe kana e e neng e diriseditswe, kana malebana le khomišene ya tlolomolao, go latlhegelwa kwa Nageng.
KGAOLO 3
DITHEBOLO
Tona a ka nna a dumelela go nna le meepo ya twantsha motho
 (a) Tona a ka nna a rebola sethwe sefe kana sefe sa naga kana mothapiwa ofe kana ofe wa sethwe seo, moemedi ofe kana ofe kana motho ofe kana ofe yo mongwe go tswa kiletsong e e boletsweng mo karolong 5 mme a ka nna a dumelela sethwe se se jalo, mothapiwa, moemedi kana motho go nna le meepo ya twantsha motho ka mabaka a go tlhabolola le go dira katiso mo temogong ya moepo, kgololong ya moepo kana dithekeniki tsa tshenyo ya moepo kana ya tshenyo ya tsona.
b Thebolo efe kana efe e e tshisintsweng mo temaneng a e tshwanetse go kwalwa mme e tshwanetse go neela palo ya meepo ya twantsha motho e go ka nniwang le yona ka fa tlase ga tumalano e e bodiwang.
a Palo gotlhe ya moepo e e ka rebolwang go nna le yona ke sethwe sa naga go ya ka karolotlaleletso 1 e ntse e ka se fete 5000.
b Fa Tona a dumelela go nna le meepo ya twantsha motho ka moemedi kana motho ofe kana ofe yo mongwe jaaka e tshisintswe kwa karolotlaleletsong 1, o tshwanetse go fokotsa puo ya meepo e go ka nniwang nayo mo lebakeng lengwe le lengwe go ya bogolo go palo ya meepo e e mosola mo lebakeng la tumalano e e bodiwang.
Motho ofe kana ofe yo o nang le moepo wa twantsha motho go ya ka tumalano e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong 1 o tshwanetse go tshwara moepo o o jalo go ya ka tlamelo ya Molao wa Dithuthupi 1958 Molao No. 26 wa 1956.
Tona a ka nna a dumelela phetiso ya meepo ya twantsha motho
Go ikaegilwe ka molao ofe kana ofe o o laolang phetiso ya dibetsa, moepo wa twantsha motho o ka fetisiwa fela go ya le go tswa Repaboleking ka tunelelo e e kwadilweng ya Tona.
Batlhankedi ba makgetho
Motlhankedi wa makgetho yo o tsayang moepo wa twantsha motho go ya ka Molao wa Makgetho le lekgetho la dithoto, 1964 (Molao No. 91 wa 1964), o tshwanetse go neelana ka moepo o o jalo kwa montlhankeding wa sepodisi mo nakong e e utlwalang.
Dimusiamo tsa setšhaba, dimusiamo tsa sesole, bakgobokanyi ba setšhaba le ba poraefete
 Go ya ka maemo afe a a tlhalositsweng ke molawana o o dirileng ka fa tlase ga karolo 32, musiamo wa bosetšhaba, musiamo wa sesole, mokgobokanyi wa setšhaba le wa poraefete a ka nna le moepo wa twantsha motho kana karolo ya serwe fa -
a Tona o dumelela thuo e e jalo; le b Moepo o o jalo kana karolo e le lolea la matheriale wa dithuthupi le didirisiwa tse di kgotletseng dithuthupi.
Mo mabakeng a karolo e -
a 'musiamo wa sesole' o kaya sesole , mophato kana musiamo wa bagaka, kana tshupetso kgotsa pontsho ya tlholego ya hisitori ya pontsho ua setšhaba kana poraefete e e atlenegisitsweng ke Lefapha la Tshireletso.
b 'mokgobokanyi wa poraefete' o kaya motho yo o kgobokanyang ditlhobolo, ke leloko la mokgatlho wa bakgobokanyi ba ba atlenegisitsweng mme ga se mokgobokanyi wa setšhaba;
c) 'mokgobokanyi wa setšhaba' o kaya motho yo o kgobokanyang ditlhobolo go bontsha setšhaba le yo o atlenegisitseng jalo go ya ka Molao wa Taolo ya Ditlhobolo, 2000 (Molao No. 60 wa 2000; le d 'musiamo wa setšhaba' o kaya setheo se se tlhalositsweng jalo mo karolong 31 le 2 ya Molao wa Setso sa Ditheo, 1998 Molao No. 119 wa 1998.
Ditiro tsa sesole
 Lefapha la Tshireletso le ka tsaya karolo mo ditiragatsong, dikatisong kana ditirong tse dingwe tsa sesole le matsholo a a itlamileng a naga e e seng mokgatlho wa Tumalano ka boleele jalo -
a ditiragatso, dikatiso kana ditiro ga di kgatlhanong le Tumalano; le b botsayakarolo ga bo lekane le thuso mo tiragatsong epe e e ilediwang ke Tumalano.
Fa kgatako e e jalo e tlhagelela, Tona o tshwanetse go laolela khutliso ya kamego efe e e tswelelang e e dirisiwang, katiso kana tiro e e leng teng kana a ka tsaya kgato e e maleba e nngwe e e jalo jaaka a ka bona go tshwanela.
Matsholo a sesole a naga e nngwe a a etetseng Repaboleki go ya ka maitlamo a boditšhabatšhaba kana tumalano magareng ga naga le Repaboleki le maloko a matsholo a a jalo a tlamiwa ka Molao.
KGAOLO 4
Go busediwa ga meepo ya twantsha motho le tatlhegelo ya Naga
 Kwa ntle ga thebolo ya Tona jaaka e tshisintswe mo karolong 7, motho ofe yo o nang le moepo wa twantsha motho kana karolo ya sethwe ka bonako pele ga Molao o, o diragadiwa, o tshwanetse, mo dikgweding tse thataro go tloga letlha le Molao o, o dirilweng, go itsise motlhankedi wa sepodisi yo o tlhomilweng ke Tona ya Pabalesego le Tshireletso ka thuo e e jalo.
Mo tiragalong ya tshutiso ya tiragatso ya sesole efe ka kwa ntle ga Repaboleki, motho ofe yo o nang le moepo wa twantsha motho kana karolo ya sethwe o tshwanetse go itsise motlhankedi wa sepodisi sa sesole kana motho ofe yo mongwe yo o tlhomilweng ke Tlhogo ya Matsholo a Tshireletso a Bosetšhaba a Aferika Borwa mo lebakeng le.
Motlhankedi wa sepodisi, motlhankedi wa sepodisi sa sesole kana motho yo mongwe, jaaka go ka nna, o tshwanetse go kwadisa kitsiso ka mokgwa o o tlhalositsweng ke molawana o o dirilweng ka fa tlase ga karolo 32 mme o tshwanetse go rulaganya go tsewa ga moepo kana karolo ya kgololo kwa ntle ga tiego.
Meepo ya twantsha motho yotlhe e e tserweng go ya ka karolo e latlhegetswe kwa Nageng.
Tshenyo ya meepo ya twantsha motho e e tshwerweng mo Repaboleking
 Go ya ka karolo 7, Tona e tshwanetse go netefatsa tshenyo ya bobolokelo botlhe le meepo ya lefelo ya twantsha motho mo Repaboleking.
Tshenyo ya meepo ya twantsha motho e ka tsewa fela ke bothati bo bo nonofileng bo bo tlhomilweng ke Lefapha la Tshireletso kana Tirelo ya Sepodisi sa Aferika Borwa.
Tshenyo efe ya moepo wa twantsha motho e tshwanetse go dirwa go tsamaelana le tikologo efe e e dirang le boitekanelo ba tshupetsokgono ya ditiro le moalo wa pabalesego.
KGAOLO 5
DITLHATLHOBO TSA SELEGAE
Tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae
 Tona a ka, ka go kwala, a tlhoma motho yo o nonofileng jaaka motlhatlhobi wa selegae go -
a batlisisa le go diragatsa tsamaelano le Molao, kana b thusa motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba yo o batlisisang go sa tsamaisaneng ga ga twe gofe le Tumalano.
Tona o tshwanetse go neela motlhatlhobi mongwe le mongwe wa selegae setefekeiti sa tlhomo se se bontshang motlhatlhobi wa selegae ka leina, se bontsha maemo a motlhatlhobi le bothati go tsamaisa ditlhatlhobo le go baya maemo afe a a bewang godimo ga gagwe go ya ka karolo 15.
Motlhatlhobi wa selegae o tshwanetse go tsamaisana le ditaelo tsa Tona mo go direng ditiro tsa gagwe.
Motlhatlhobi wa selegae yo o seng mo tirelong ya leruri ya Naga o tshwanetse go duelwa dituelo le ditetlo jaaka Tona a ka, ka thebolo ya Tona ya Matlotlo a ka laola.
Maemo a a beilweng mo motlhatlhobing wa selegae
 Tona a ka nna a baya maemo afe mo motlhatlhobing wa selegae malebana le tiragatso ya gagwe kana ditiro tsa gagwe, o maemo a ka amanang le tshireletso -
a ya sedirisiwa se se masisi, tshedimosetso kana dikarolo;
b ya tshwanelo efe ya Theomolao; le c pabalesego ya motlhatlhobi wa selegae,
Maemo a a beilweng ka fa tlase ga karolotlaleletso 1 a ka nna a tlhoka motlhatlhobi wa selegae e seng go diragatsa maatla a a totobaditsweng fa o le mo lefelong le le tlhalositsweng.
Batlhatlhobi ba selegae ba tshwanetse go tshwarelela kwa maemong a pabalesego a a tlwaelegileng le ditlwaelo malebana le meepo ya twantsha motho.
Khutliso ya tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae
Tona a ka nna a, morago ga go neela motlhatlhobi wa selegae tšhono go dira dikemedi le go sekaseka dikemedi tse di jalo. Ka mabaka a a siameng go khutlisa tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae yo o jalo.
Tseno le patlo ya lefelo la thebolelo
 Motlhatlhobi wa selegae a patilwe ke motlhankedi wa sepodisi a ka nna a, mo bothating ba thebolelo e e ntshitsweng go ya ka karolotlaleletso le go ya ka karolo 18, a tsene mo lefelong lefe le le tlhalositsweng mo thebolelong, go tsenyeletsa bonno ba poraefete, le -
a go tlhatlhoba, tshwantsha, kopisa, leka le go tlhatlhoba lekwalo lefe kana lefe, rekota, selo kana matheriale, kana go e dira gore e tlhatlhobiwe, tshwantshiwe, kopisiwe, lekiwe le tlhatlhobiwe;
b go tshwera lekwalo lefe kana lefe, rekota, selo kana matheriale fa a na le lebaka go belaela gore go ka dirisiwa jaaka bopaki mo tekong ya bosenyi; le c go tlhatlhoba tiro nngwe le nngwe, tiragatso kana tirego e e diragalang mo lefelong.
Motlhatlhobi wa selegae yo o tlosang sengwe go tswa mo lefelong go phuruphudiwa o tshwanetse -
a go neela raseti ya teng kwa go mong kana motho yo o laolang lefelo; le b kwa ntle le fa e le selo se se ileditsweng go ya ka Molao o, go e busetsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga go fitlhelela lebaka la se e neng e se tloseditswe.
Mo kopong ya motlhatlhobi wa selegae a dira go ya thebolelo e e ntshitsweng go ya ka karolotlaleletso 5, monni le motho ofe kana ofe yo mongwe yo o leng mo lefelong o tshwanetse go -
a dira go nna teng kana go fitlhelela kana go fitlhisa kwa motlhatlhobing lekwalo lefe kana lefe, rekoto, selo kana matheriale o o tsamaisang le patlisisong e e tshisinngwang mo karolotlaleletsong 1 le e e tshotseng kana ka fa tlase ga taolo ya monni kana motho;
b neelana ka tshedimosetso e e jalo ka a na le kgatlhego le morero o o batlisisiwang; le c neelana ka thuso e e jalo e e utlwalang jaaka motlhatlhobi a ka tlhoka go dira ditiro tsa gagwe go ya ka Molao ka nonofo.
Pele go bodiwa motho ofe kana ofe kwa lefelong le le rileng, motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go gakolola motho yoo ka tshwanelo go thusiwa ka nako ke mmueledi, le go letlelela motho yoo go diragatsa tshwanelo ya gagwe.
Thebolelo e e tshisinngwang mo karolotlaleletsong 1 e ka nna ya rebolwa ke moatlhodi kana magiseterata -
a mo kamanong le lefelo mo kana go tswa kwa go nang le lebaka go dumela gore tlolo ya Molao o e dirilwe kana e a dirwa; le b fa go lebega go tswa tshedimosetsong mo maikanong kana tiisetso gore go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore go na le bopaki mo kana ka lefelo le le jalo ka tlolo ya Molao.
Thebolelo e ka nna ya baya dithibelelo mo maatleng a motlhatlhobi wa selegae.
Thebolelo e e rebotsweng go ya ka karolo e -
a e sala go nna mo tirisong go fitlha -
i e diragadiwa;
ii le phimotswe ke motho yo o e rebotseng, fa motho yo o ntseng jalo a se teng , motho yo mongwe le yo mongwe wa bothati bo bo tshwanang;
iii go feta ga kgwedi e le nngwe go tloga letsatsing la thebolo; kana iv lebaka la go rebola thebolelo le fetile; se se tlhagelelang pele; le b e tshwanetse go diragadiwa ka letsatsi kwa ntle ga fa motho yo o rebolang thebolelo a dumelela tiragatso e e jalo ya tshwanelo.
Ga go motho yo o lebaganweng ka tshiamelo ya tatlhegelo efe kana tshenyegelo go tswa tiragalong e e utlwalang ka motlhankedi wa sepodisi kana motlhatlhaobi wa selegae ka fa tlase ga karolo e.
Meepo ya twantsha motho e tshwerwe kana e bolokile bopaki mo ditsweletsong tsa bosenyi bo tshwanetse go tshwarwa, go dirwa le go latlhiwa go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi 1977 Molao No. 51 wa 1977, le Molao wa Dithuthupi; 1955 (Molao No. 26 wa 1956).
Temogo pele ga tseno le kgano kgatlhanong le tseno.
 Motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi yo o boneng thebolelo go ya ka karolo 17 o tshwanetse ka bonako pele ga go tsena lefelo le le rileng -
a a itsise go utlwala gore o dumeletswe go tsena lefelo le go batla tumelelo go ya mo lefelong ; le b go itsise motho yo o laolang lefelo lebaka la go tsena; kwa ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore kgoeletso e e jalo kana kitsiso e ka fenya lebaka la go batla.
Motlhatlhobi wa selegae o tshwanetse -
a go neela motho yo o laolang lefelo khophi ya thebolelo kana, fa motho yo o jalo a se teng, kgomaretsa khophi e e jalo kwa lefelong le le itsegeng mo lefelong; le b mo kopong motho yo o laolang lefelo le le jalo, a bonetse setefekeiti sa tlhomo kwa mothong yoo.
Motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi yo o tshisintsweng mo karolotlaleletsong 1 a ka nna a fenya twantsho go ya botsenong le phuruphotsong ka go dirisa maatla a a jalo jaaka go tlhokega mo go utlwalang, go tsenyeletsa go thuba ga lebati kana letlhabaphefo la lefelo.
Pele o dirisa maatla, motlhankedi wa sepodisi, kana motlhatlhobi wa selegae o tshwanetse a batle ka kutlwalo tumelelo mme a itsise lebaka la go tsena, kwa ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore go dira jalo go ka fenya lebaka la phuruphotso.
Tseno le phuruphotso ya lefelo kwa ntle ga thebolelo
Motlhatlhobi wa selegae, a felegeditswe ke motlhankedi wa sepodisi, a ka nna a tsena le go phuruphutsa lefelo lefe le go tsaya kana go tlosa moepo wa twantsha motho ofe kwa ntle ga thebolelo fa -
a e le gore motho yo o nang le bokgoni ba go dira jalo o dumela mo go tseneng go go jalo, phuruphutso, tseo le tloso; kana b tseno ya ka bonako kwa lefelong le le tlhokegang -
i go netefatsa pabalesego ya motho ofe kana ofe; kana ii go thibela tshenyo e e masisi mo tikologong, le gore go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore thebolelo e tla ntshiwa go ya ka karolo 17 le gore tiego e e tlisitsweng ke go bona thebolelo e tla fenya maikaelelo a thebolelo.
Ditlolomolao le dikotlhao malebana le phuruphotso ya lefelo
 Motho o molato ka tlolomolao fa ka maikaelelo a kgoreletsa, kana ka kitso a dira seteitemente se se fosagetseng, kwa motlhankeding wa sepodisi kana motlhatlhobi wa selegae ka nako ya phuruphotso ka fa tlase ga thebolelo e e bonwang go ya ka karolo 17 .
Motho ofe kana ofe yo o tshwerweng ka tlolomolao e e tshisinngwang mo karolotlaleletsong 1 o tshwanelwa ke tuediso kana kgolegelo ya nako e e sa feteng ngwaga o le mongwe, kana go tse pedi tuediso le kgolegelo e e jalo.
KGAOLO 6
DITLHATLHOBO TSA BODITŠHABATŠHABA
Borongwa ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha mo Repaboleking
 Borongwa ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha, bo bo dumeletsweng le go laolelwa ke mekgatlho le go tlhamiwa ke Mokwaledi - Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng, o ka re go ya ka Athikele 8 ya Tumalano di tsena le go nna mo Repaboleking go batlisisa morero ofe kana ofe malebana le go sa tsamaisaneng go go kaegang ga Repaboleki ka Tumalano.
Tona -
a o tshwanetse go tsaya dikgato tse di tlhokegang tsa tsamaiso go amogela, go tsamaisa le go naya borongwa bonno;
b o rwele maikarabelo a go netefatsa pabalesego ya maikaelelo go fitlha fa go lekaneng fa a le mo Repaboleking;
c o tshwanetse go dira matsapa otlhe go netefatsa gore maikaelelo a newa tshono go bua le batho botlhe ba ba maleba ba ba kgonang go tlamela tshedimosetso e e amanang le tsamaisano ya morero e e fa isong; le d o tshwanetse go abela maikaelelo phitlhelelo kwa dierieng tsotlhe le ditlhomo ka fa tlase ga taolo ya Repaboleki koo mabaka a a maleba mo tsamaisanong ya morero o ka go tsewa.
Tona o tshwanetse go laolela motlhatlhobi wa selegae go felegetsa le go thusa motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba, fa a felegeditswe ke motlhatlhobi wa selegae le motlhankedi wa sepodisi, o na le ditshwanelo tsotlhe tse di boletsweng mo karolong 17, 18 le 19.
Ditshenyegelo tsa borongwa ba boditšhabatšhaba tsa go batlana le dintlha di tshwanetse go belegwa ke mekgatlho.
Go ikaegilwe ka Moalo 1999 wa Botsamaisi ba Matlotlo a Setšhaba Molao No. 7 wa 1999, Tona a ka duela motho ofe kana ofe yo e seng karolo ya borongwa ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha malebana le ditshenyegelo dife le dife tsa semolao tse di bonweng ke motho yoo malebana le borongwa bo bo jalo.
Setefekeiti jaaka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba
Tona o tshwanetse go ntshetsa leloko lengwe le lengwe la borongwa ba go batlana le dintlha mo Aferika Borwa setifikeiti se se -
a supang motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba ka leina le go bontsha maemo a motlhatlhobi le bothati go tsamaisa borongwa ba go batlana le dintlha mo Aferika Borwa;
b tlhalosang gore motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba o itumelela ditshwanelo le ditshoutiso ka fa tlase ga Athikele VI ya Tumalano m Ditshwanelong le Ditshoutisong tsa Ditšhaba tse di Kopaneng, tse di amogetsweng tse di c bayang maemo afe a a tshisinngwang mo karolong 23.
Maemo a a lefisiwang mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba
 Tona a ka nna a lefisa maemo afe kana afe mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba malebana le tiragatso ya ditiro tsa gagwe, maemo afe a a ka amanang le tshireletsego -
a ya didirisiwa tse di masisi, tshedimosetso kana mafelo;
b ya tshwanelo efe ya molaotheo; le c pabalesego ya motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Maemo a a lefisiwang ka fa tlase ga karolotlaleletso 1 a ntse a ka tlhoka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba gore a se diragatse maatla a a rileng fa a le mo lefelong le le tlhalositsweng.
Mo tiragalong ya Tona a lefisa maemo afe mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba, Tona o tshwanetse go dira matsapa a otlhe a a utlwalang go bontsha ka bokao ba thefosano go tsamaelana ga Repaboleki le Tumalano.
Batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba ba tshwanetse go ema mo boemong ba pabalesego bo bo amogetsweng ba tlwaelo le tiragatso malebana le meepo ya twantsha motho.
Ditshoutiso le ditshwanelo tsa batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba
 Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba o itumelela ditshwanelo le ditshoutiso ka fa tlase ga Athikele VI ya Tumalano mo Ditshwanelong le ditshoutisong tsa Ditšhaba tse di Kopaneng tse di kwadilweng mo Mametlelelong go ya Molaong, 2001 (Molao No. 37 wa 2001) wa Ditshoutiso le Ditshwanelo tsa boDipolomate.
a Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba a ka nna a romela teng sedirisiwa sefe se se tlhokegang go diragatsa ditiro malebana le borongwa ba go batlana le dintlha go ya mo Repaboleking mme a ka romela ntle sedirisiwa go tswa Repaboleking kwa bofelong ba maikaelelo.
b Thomelo gare le thomelo ntle ya sedirisiwa e e tshisinngwang mo temaneng a e gololosegile mo lekgethong lefe kana lefe kana kgethiso.
KGAOLO 7
TIRISANOMMOGO YA BODITŠHABATŠHABA
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba
 Tirisanommogo ya boditšhabatšha efe kana efe kana thuso e e neilweng kana e amogetswe ke Repaboleki ka fa tlase ga Athikele 6 ya Tumalano e tshwanetse go diragala go ya ka maemo a tumalano e e tlhamaletseng.
Tumalano e tshwanetse go tlhalosa -
a boleng le maemo a tirisanommogo ya thuso.
b ditlamego tsa mekgatlho yotlhe mo tumalanong, go akarediwa le ditlamego tsa matlotlo.
c ditshwanelo dife tsa bodipolomate le ditshoutiso tse di ka itumelelwang ke motho ofe kana ofe; le d ditsamaiso go ya tshiamisong ya dikganetsano,
Tumalano e e ka tlamelela -
a kananyo ya sedirisiwa, matheriale le tshedimosetso ya saense le thekenoloji malebana le tiragatso ya Tumalano;
b thuso ya setho, go akarediwa -
i thuso ya tshiamiso ya moepo;
ii thuso ya motswasetlhabelo; le iii mananeo a tlhokomediso ya moepo;
c tlhokomelo, tsosoloso kopanyo gape ya loago le ikonomi ya batswasetlhabelo ba moepo; le d thuso jaaka e tshisintswe mo temaneng 4 ya Athikele 6 ya Tumalano.
Tumelelo go tsaya karolo mo borongweng ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha ka kwa ntle ga Repaboleki
 Tona a ka, ka puisano le Tona e e nonofileng fa go tlhokega, a ka tlhoma le go dumela ka go kwala moitseanape yo o rutegileng wa Aferika Borwa ofe kana ofe go nna leloko la borongwa ba boditšhabatšhaba la go batlana le dintlha kwa nageng e nngwe;
Motho ofe kana ofe yo o tlhomilweng le go dumelelwa o tshwanetse go, ka mabaka a borongwa a go batlana le dintlha, a dire ditiro tsa gagwe go ya ka bokaedi le ditaelo tsa mokgatlho kana bonosi bo bo dumeletsweng ke mekgatlho.
Go ralala maikaelelo a go batlana le dintlha motho o ikarabelela kwa mokgatlhong kana kwa bonosing bo bo dumeletsweng ke mekgatlho mme o tshwanetse go begela kwa go ona ka nako ya maikaelelo a a jalo.
a Motho o tshwanetse go thapiwa go ya ka tumalano e e saenilweng ke Tona, kana moemedi wa gagwe yo o dumeletsweng ka tshwanno, le kemedi e e dumeletsweng ka tshwanelo ya mokgatlho kana bonosi.
b Tumalano e tshwanetse bogolo e tlhalose -
a maemo a thapo;
b ditlamorago tsa matlotlo a mekgatlho yotlhe mo tumalanong;
c ditshwanelo le ditshoutiso tsa motho yo o amegang; le d mokgwa wa tshiamiso ya dikganetsano.
KGAOLO 8
TSHEDIMOSETSO LE DIREKOTO
Go begela
 Tona o tshwanetse -
a go kgobokanya, rekota le go gasa tshedimosetso go tsamaelana le Tumalano mme o tshwanetse go begela, ka Tona ya Merero ya kwa Ntle, kwa Mokwaleding - Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng ka tsamaisano ya Repaboleki le Tumalano;
b go tlhokomela tsamaelano ya Repaboleki le Tumalano;
c go tshola rekoto ya dithebolelo tsotlhe tse di abilweng go ya ka karolo 7 le rekoto ya meepo yotlhe ya twantsha motho e e sentsweng go ya ka Molao o.
Pegelo e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong 1 a e tshwanetse go akaretsa -
a dipegelo tsa ngwaga tse di tlhokegang ka fa tlase ga Athikele 7 ya Tumalano; le b tshedimosetso e e tlhokegang ka fa tlase ga go akarediwa ga manane le dintlha tsa bosetšhaba tsa kgolagano le theo ya tshedimosetso ya Ditšhaba tse di Kopaneng mo kgololong ya moepo
Maatla go kgobokanya tshedimosetso
 Tona a ka nna a kgobokanya tshedimosetso go tswa mothong ofe kana ofe fa tshedimosetso e tlhokega mo -
a tsamaisong le tiisetsong ya Molao o; le b tsamaelano le Tumalano.
Tona a ka nna, ka kitsiso e e kwadilweng a laolela motho ofe kana ofe, a tlhokela motho go tlamela tshedimosetso e e jalo jaaka go ka tlhokega mo nakong le ka mokgwa le sebopego se se tlhalositsweng mo kitsisong,
Pegelo ya meepo ya twantsha motho e e tshotsweng kana e sentswe
Motho ofe kana ofe yo o tshisintsweng mo karolong 7 kana 13 o tshwanetse go tshola rekoto e e kwadilweng mo sebopegong se se tlhalositsweng sa meepo yotlhe ya twantsha motho e e mo go ena kana e sentswe ke ena.
Ditlolomolao le dikotlhao malebana le tlamelo ya tshedimosetso
 Motho o molato ka tlolomolao fa -
a kwa ntle ga maitato ka tlolomolao a tlholega go tsamaisana le kitsiso e e tshisintsweng mo karolong 282;
b ka maikaelelo kana ka bosutlha a tlamela tshedimosetso e e fosagetseng malebana le kitsiso e e jalo; kana c a tlholega go tshola rekoto jaaka go tshisintswe mo karolong 29.
Motho ofe kana ofe yo o tshwerweng ka tlolomolao e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong 1 o tshwannwa ke tuediso kana kgolegelo ya nako e e sa feteng ngwaga o le mongwe kana tse pedi tuediso le kgolegelo jalo.
KGAOLO 9
DITLAMELO TSA KAKARETSO
Dikaelo tsa go katisa
Tona o tshwanetse go netefatsa gore dikaelo tsa kakaretso di a rekotiwa malebana le go katisiwa ga motlhankedi ofe kana ofe yo o diragatsang tiro go ya ka Molao kana Tumalano.
Melawana
Tona a ka, ka kitsiso mo Kuranteng ya Mmuso, a dira melawana malebana le -
a sengwe le sengwe se se ka, kana se se tshwanetseng go tlhalosiwa go ya ka Molao o; le b tsamaiso efe kana mokgwa wa morero o o tlhokegang go tlhalosa gore o neele nonofo mo ditlamelong tsa Molao o.
Kemedi ya maatla le kabo ya tiro
 Tona a ka aba maatla afe, ka botlalo kana ka karolo, a a beilweng mo go ena ka Molao o, kwa ntle ga maatla go dira melawana go ya ka karolo 32, le go aba tiro, ka bothata kana ka karolo, e e beilweng mo go ena go ya ka Molao o, go -
a mokwaledi wa Tshireletso.
b mogolo wa Matsholo a Tshireletso a Bosetšhaba a Aferika Borwa, kana c mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso yo o tshwereng maemo kana kemo ya bogolo. Moboregadiri wa Kakaretso kana Moatemerale wa Morago Kereiti e Nnye.
Kemedi kana kabelo go ya ka karolotlaleletso 1 -
a e tshwanetse go bo e kwadilwe;
b e ya go ya ka dikaelo le maemo jaaka Tona a ka lefisa; le c ga e amoge Tona maikarabelo malebana le tiragatso ya maatla kana tiragatso ya tiro e e fa isong.
Setlhogo se se khutshwane le tshimologo
Molao o o bidiwa Molao wa Kiletso ya Meepo ya Twantsha motho, 2002, mme o simolola ka letlha le le tsepamisitsweng ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kuranteng ya Mmuso.
MAMETLELELO
Tumalano mo Kiletsong ya Tiriso, Bobolokelo, Tlhagiso le Phetiso ya Meepo ya Twantsha motho le ka Tsenyo ya yona, 18 Lwetse 1997
MATSENO
Mekgatlho ya Dinaga
Go ikaeletswe go tlisa tshotlego bokhutlong le dikgobalo tse di bakiwang ke meepo ya twantsha motho, e e bolayang kana e gobatsa makgolokgolo a batho beke le beke, bontsi ba baagi ba ba se nang molato ba sa iphemele bogolo bana, go kgoreletsa tlhabololo le kagolešwa ya ikonomi, go iletsa pusetso gae ya bafaladi le batho ba ba ka fa gare ba ba se nang magae, le go nna le ditlamorago tse di tsitsibanyang dingwaga morago ga phuduso.
Go dumela gore go a tlhokega go dira bojotlhe jwa bona go aba ka tsela e e nonofileng e e golaganang go lebagana le kgwetlho ya go tlosa meepo ya twantsha motho e e beilweng go ralala lefatshe, le go tlhomamisa tshenyo ya yona.
Go eletsa go dira bojotlhe jwa bona mo go tlameleng thuso ya tlhokomelo le tsosoloso, go akarediwa le kopanyo gape ya loago le ikonomi ya batswasetlhabelo ba moepo.
Go lemoga gore kganelo e e feletseng ya meepo ya twantsha motho e tla nna kelo e e botlhokwa ya go aga go itshepa.
Go amogela tseo ya Porotokolo ya Dikiletso kana Dithibelo mo Tirisong ya Meepo, Dirai tsa Bobi le Ditlamaganyo tse Dingwe, jaaka di mametleletswe ka di 3 Motsheganong 1996, di mametleletswe mo Tumalanong ya Dikiletso kana Dithibelo mo Tirisong ta Dibetsa tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di Ka Tsewang go nna Kotsi go Feta kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe, le go goeletsa tshiamiso ya e sale gale ya Porotokolo e ka Dinaga tsotlhe tse di iseng di dire jalo.
Go amogela gape Tshwetso ya Kopano Kakaretso ya Ditšhaba tse di Kopaneng 51/45 ya di 10 Sedimonthole 1996 e e rotloetsang Dinaga tsotlhe go tsweletsa ka maatla tumalano ya semolao e e bofang e e nonofileng ya boditšhabatšhaba go thibela tiriso, bobolokelo, tlhagiso le phetiso ya dibomoserai tsa twantsha motho.
Go amogela gape go ya pele dikgato tse di tserweng mo dingwageng tse di fetileng, bobedi ka bongwe kana bontsi, go ikaeletswe kiletsong, thibelong, kana kemisong ya tiriso, bobolokelong, tlhagisong le phetisong ya meepo ya twantsha motho.
Go gatelela seabe sa segakolodi sa setšhaba mo go tsweletseng ditheo tsa botlhe jaaka di itemogelwa ke pitso ya kiletso e e feletseng ya meepo ya twantsha motho le go lemoga matsapa go fitlha bokhutlong a a tserweng ke sefapaano se se Hubedu sa Boditšhabatšhaba le Mokgatlho o Mohubedu wa Sekasekele, Matsholo a Boditšhabatšhaba a go Iletsa Dibomoserai le mekgatlho e mengwe e e seng ya mmuso e le mmalwa go dikologa lefatshe.
Go gakologelwa Tlhomamiso ya Ottawa ya di 5 Diphalane 1996 le Tlhomamiso ya Brussels ya di 27 Seetebosigo 1997 e e gwetlhang baagi ba boditšhaba go rerisana tumalano e e bofang ya boditšhaba le semolao e e iletsang tiriso, bobolokelo, tlhagiso le phetiso ya meepo ya twantsha motho.
Go gatelela keletso ya go gogela tatelano ya Dinaga tsotlhe kwa Tumalanong e, le maikaelelo go dira ka natla go ya kgodisong ya bogotlhe ba yona mo mabakeng otlhe a a a a maleba gareng ga tse dingwe, Ditšhaba tse di Kopaneng, Khonferense ya Kamogodibetsa, mekgatlho ya kgaolo, le ditlhophana, le go thadisa dikhonferense tsa Tumalano mo Dikiletsong kana Dithibelong mo Tirisong ya Dibetsa tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di ka Tsewang go nna Kotsi go Fela kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe.
Go ipaya ga bona mo theong ya molao wa botho wa boditšhabatšhaba wa gore tshwanelo ya mekgatlho kwa thulanong e e tlhometseng go tlhopha mekgwa kana boleng ba ntwa ga di tlhaele, mo theong e e iletsang thapo mo dithulanong tse di tlhometseng tsa dibetsa, diporojeke le dimatheriale le mekgwa ya dintwa tsa boleng go baka kgobalo e ntsintsi kana tshotlego e e sa tlhokegeng le mo theong ya gore pharologano e tshwanetse go dirwa magareng ga baagi le balwantshi.
Go dumalanwe jaaka go latela:
Athikele 1
Ditlamego tsa kakaretso
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe ga o nke o ikana ka fa tlase ga mabaka ape:
a Go dirisa meepo ya twantsha motho;
b Go tlhabolola, go tlhagisa, go bona ka tsela nngwe, go bolokela, go tshola kana go fetisetsa go mongwe le mongwe, ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo, meepo ya twantsha motho;
c Go thusa, go rotloetsa kana go sokasoka, ka tsela efe, mongwe le mongwe go amega mo tirong efe e e ileditsweng kwa Mokgatlhong wa Naga ka fa tlase ga Tumalano.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya kana go netefatsa tshenyo ya meepo yotlhe ya twantsha motho go ya ka ditlamelo tsa Tumalano.
Athikele 2
Ditlhaloso
'Moepo wa twantsha motho' o kaya moepo o o rulagantsweng go thuntshiwa ka go nna teng, bokhutshwane kana kgolagano ya motho mme seo se tla tlhokisa maatlafatso, go gobatsa kana go bolaya motho a le mongwe kana go feta. Meepo e e rulagantsweng go thuthupisiwa ke go nna teng, bogautshwane kana kgolagano le koloi go na le motho, e e tlametsweng ka didirisiwa tse di lwantshang tsholo, ga di tsewe jaaka meepo ya twantsha motho ka ntlha ya go tlamelwa go le kalo.
'Moepo' o kaya dibetsa tse gi rulaganyeditsweng go bewa ka fa tlase, mo godimo kana gaufi le lefatshe 'kana eria ya bodilo bo bongwe, le go thuntshiwa ka go nna teng, bogautshwane le kamano ya motho kana koloi'.
'Sedirisiwa sa twantsha tsholo' se kaya sedirisiwa se se ikaeletsweng go sireletsa moepo se e leng karolo ya, se golagane le, se tshwaragantswe le kana se beilwe ka fa tlase ga moepo le se se rotloetsegang fa maiteko a dirwa go tshwenyana le kana ka tsela e nngwe ka maikaelelo go tshwaya moepo.
'Phetiso' e ama, mo tlaleletsong kwa motsamaong wa sebele wa meepo ya twantsha motho go ya mo kana go tswa nageng ya bosetšhaba, phetiso ya kana go ya go le taolo mo meepong mme e sa ame phetiso ya naga e e tshotseng meepo ya twantsha motho ya lefelo.
'Eria ya moepo' e kaya eria e e kotsi ka ntlha ya go nna teng kana go nna teng go go belaelwng ga meepo.
Athikele 3
Dikarogo
Go sa lebalwe ditlamorago tsa kakaretso ka fa tlase ga Athikele 1, go tshola kana phetiso ya puso ya meepo ya twantsha motho mo go tlhabololeng le go katiseng talelo ya moepo, kgololo ya moepo, kana dithekeniki tsa tshenyo ya meepo e dumeletswe. Boleng ba meepo e e jalo ga bo ne ba feta palo ya minimamo o o tlhokegang gotlhelele mo mabakeng a a boletsweng fa godimo.
Phetiso ya meepo ya twantsha motho ka mabaka a tshenyo e dumeletswe
Athikele 4
Tshenyo ya bobolokelo ba meepo ya twantsha motho
Kwa ntle ga jaaka go tlametswe mo Athikeleng 3, Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya le go netefatsa tshenyo ya bobolokelo ba meepo ya twantsha motho e e leng yona kana o na nayo, kana a a ka fa tlase ga taolelo kana taolo, ka bonako bo bo kgonegang mme e seng morago ga dingwaga tse nne morago ga tseno go ya matsholong a Tumalano e ya Mokgatlho wa Naga.
Athikele 5
Tshenyo ya meepo ya twantsha motho mo diarieng tsa meepo
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya kana go netefatsa tshenyo ya meepo ya twantsha motho mo dierieng tsa moepo ka fa tlase ga taolelo le taolo ya yona, ka bonako bo bo kgonegang fela e seng morago ga dingwaga di le lesome morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano ya Mokgatlho wa Naga.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla dira matsapa otlhe go lemoga dieria tsotlhe ka fa tlase ga taolelo kana taelo ya ona e mo go yona meepo ya twantsha motho e itsegeng kana e belaelwang go sutisiwa mme e tla netefatsa ka bonako ka fa go kgonegang gore meepo yotlhe ya twantsha motho mo dierieng tsa moepo ka fa tlase ga taolelo le taolo di tshwailwe go ya ka pherimetara, di tlhokometswe le go sirelediwa ka go agelela kana mekgwa e mengwe, go netefatsa kgapelontle e e nonofileng ya baagi, go fitlha meepo yotlhe ya twantsha motho e e tshotsweng foo e sentswe. Go tshwaiwa go tla nna bogolo ga ya ka maemo a a tlhomilweng mo Phorotokolong kana Dikiletsong kana Dithibelo mo Tirisong ya Meepo, Dirai tsa Bobi le Didirisiwa tse Dingwe, jaaka go mametleletswe ka di 3 Motsheganong 1996, e e mametleletsweng mo Tumalanong kana Dikiletso kana Dithibelo mo Tirisong ya Dibetsa Dingwe tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di ka Tsewang go nna Kotsi go Feta kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe.
Fa Mokgatlho wa Naga o dumela gore ga o ne o kgona go senya kana go netefatsa tshenyo ya meepo ya twantsha motho e go buiwang ka yona mo temaneng 1 mo nakong eo, e ka isa kopo kwa Kopanong ya Mekgatlho ya Dinaga kwa Khonferenseng ya Thadiso go Katoloso letlha la bofelo la go feleletsa tshenyo, ya meepo ya twantsha motho e e jalo, ka nako e e ka fitlhang go dingwaga tse di lesome.
Kopo nngwe le nngwe e tla tshola:
a Nako ya katoloso e e tshisintsweng;
b Tlhaloso e e tletseng ya mabaka a katoloso e e tshisintsweng, go akarediwa:
i Paakanyo le maemo a tiro a a dirwang ka fa tlase ga mananeo a bosetshaba a meepo;
ii Boleng ba madi le botegeniki bo bo leng teng kwa Mokgatlhong wa Naga tsa go Senya meepo yotlhe ya twantsha motho; le iii Mabaka a a thibelang bokgoni ba Mokgatlho wa Naga go senya meepo yotlhe ya twantsha motho mo dierieng tsa meepo;
c Ditlamorago tsa setho. Loago, ikonomi le tikologo tsa katoloso; le d Tshedimosetso efe e nngwe e e maleba mo kopong ya katoloso e e tshisintsweng.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Khonferense ya Thadiso e tla, go lebelelwa mabaka a a tshotsweng mo temaneng 4, tlhatlhoba kopo mme o swetse ka bontsi ba dibouto tsa Mekgatlho ya Dinaga tse di leng teng le go bouta gore a o aba kopo ya katoloso ya nako.
Katoloso e e jalo e ka ntšhafadiwa ka go dira kopo e ntšha go ya ka ditemana 3.4 le 5 ya Athikele e. Mo go kopeng katoloso ya nako e e tswelelang Mokgatlho wa Naga o tla tlisa tshedimosetso ya tlaleletso e e maleba ka se se dirilweng mo nakong ya katoloso e e fetileng go latela Athikele e.
Athikele 6
Tirisanommogo le thuso ya boditšhabatšhaba
Mo go diragatseng maikaelelo ka fa tlase ga Tumalano Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o na le tshwanelo go batla le go amogela thuso, fa go kgonegang, go tswa Mekgatlhong ya dinaga tse dingwe go fitlha fa go kgonegang.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go tsamaisa mme o tla nna le tshwanelo go tsaya karolo mo thefosanong e e tletseng e e kgonegang ya sedirisiwa, matheriale le tshedimosetso ya saense le thekenoloji malebana le tiragatso ya Tumalano e. Mekgatlho ya Dinaga ga e ne e gatelela dithibelo tse di sa tlhokegeng mo tlamelong ya sedirisiwa sa kgololo ya moepo le tshedimosetso e e amanang le thekenoloji mo mabakeng a setho.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o mo maemong go dira jalo o tla tlamela thuso ya tlhokomelo le tsosoloso le kopanyo ya loago le ikonomi, tsa batswasetlhabelo ba moepo le mananeo a tlhokomediso ya moepo. Thuso e e jalo e ka tlamelwa, gareng ga tse dingwe, ka tsela ya Ditšhaba tse di Kopaneng, boditšhabatšhaba, kgaolo kana mekgatlho ya bosetšhaba kana ditheo, komiti ya boditšhabatšhaba ya sefapaano se se Hubedu, Sefapaano se se Hubedu sa boditšhaba le mekgatlho ya Sekangwedi se se Hubedu le Tshwaragano ya Boditšhaba, mekgatlho e e seng ya mmuso, kana mo theong ya matlhakore a mabedi.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o mo maemong a go dira jalo o tla tlamela thuso ya kgololo ya moepo le ditiro tse di amaneng. Thuso e e jalo e ka tlamelwa, ka go rialo, ka tsela ya Ditšhaba tse di Kopaneng, boditšhabatšhaba kana mekgatlho ya dikgaolo kana ditheo, mekgatlho e e seng ya mmuso kana ditheo, kana mo theong ya matlhakore a mabedi, kana ka go aba kwa Letloleng la Ditšhaba tse di Kopaneng la Boithaopo la Thuso mo Kgololong ya Moepo, kana matlole a kgaolo a mangwe a a dirang ka meepo.
Mokgatlho wa Naga o mongwe le o mongwe mo maemong a go dira jalo o tla tlamela thuso kwa tshenyong ya meepo ya twantsha motho ya bobolokelo.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go tlamela tshedimosetso kwa sefalaneng sa kgololo ya moepo se se tlhomilweng mo tseleng ya Ditšhaba tse di Kopaneng, segolo tshedimosetso e e malebana le mekgwa e e farologaneng le dithekenoloji tsa kgololo ya moepo, le manane a baitseanape kana dintlha tsa boditšhaba tsa kgolagano mo kgololong ya moepo.
Mekgatlho ya Dinaga e ka kopa Ditšhaba tse di Kopaneng, mekgatlho ya kgaolo, Mekgatlho ya Dinaga e mengwe kana kopano ya mebuso e e nonofileng e mengwe kana lephatha le e seng la mmuso go thusa bothati ba teng mo go atoloseng lenaneo la bosetšhaba la moepo go tlhomamisa, gareng ga tse dingwe;
a Bogolo le boalo ba bothata ba moepo wa twantsha motho;
b Metswedi ya ditšhelete, thekenoloji le botho e e tlhokegang go diragatsa lenaneo;
c Palo ya dingwaga tse di lekanyeditsweng tse di tlhokegang go senya meepo yotlhe ya twantsha motho mo dierieng tsa meepo ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya Mokgatlho wa Naga o o amegang;
d Ditiro tsa tlhokomediso go fokotsa ditiragalo tsa dikgobalo tse di amanang le moepo le dintsho;
e Thuso kwa batswasetlhabelong ba moepo;
f Kamano magareng ga Mmuso wa Mokgatlho wa Naga o o amegang le mmuso, kopano ya mebuso e e maleba, kana dikarogano tse e seng tsa mmuso tse di tla dirang mo go diragatseng lenaneo.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o nayang le go amogela thuso ka fa tlase ga tlamelo ya Athikele o tla dirisana le pono e e netefatsang tiragatso e e tletseng e e bonako ya mananeo a thuso a a dumalanweng.
Athikele 7
Dikelo tse di se nang bofitlha
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla bega kwa Mokwaleding Kakaretso wa Dinaga tse di Kopaneng ka bonako jo bo kgonegang, mme mo tiragalong efe kana efe e seng morago ga malatsi a le 180 morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano ya Mokgatlho oo wa Naga ka:
a Tiragatso ya dikelo tsa bosetšhaba tse di bolelwang mo Athikeleng 9;
b Bogotlhe ba meepo yotlhe ya twantsha motho ya bobolokelo e e leng ya kana e le ya yona, ka fa tlase ga taolelo kana go tsenyeletsa thubego ya mofuta, boleng le, fa go kgonega palo e ntsi ya mofuta mongwe le mongwe wa bobolokelo ba moepo wa twantsha motho.
c Go fitlha fa go kgonegang, lefelo la mafelo otlhe a meepo a a tshotseng, kana a belaelwa go tshola, moepo wa twantsha motho ka fa tlase ga taolelo kana taolo, go tsenyeletsa dintlha tse dintsi jaaka gokgonega malebana le mofuta le boleng ba mofuta ofe kana ofe wa moepo wa twantsha motho mo erieng ya moepo mongwe le mongwe le fa di ne di tlosiwa.
d Mefuta, boleng le, fa go kgonega, dipalo tse dintsi, tsa meepo yotlhe ya twantsha motho e e tshotsweng kana e fetiseditswe tlhabololo ya katiso mo temogong ya moepo, kana phetiso ka mabaka a tshenyo, mmogo le ditheo tse di dumeletsweng ke Mokgatlho wa Naga go tshola kana go fetisa meepo ya twantsha motho, go ya ka Athikele 3.
e Maemo a mananeo mo phetolelong kana go khomišena ditlamelo tsa tlhagiso ya moepo wa twantsha motho;
f Maemo a mananeo mo tshenyong ya meepo ya twantsha motho go ya ka Athikele 4 le 5, go akarediwa dintlha tsa mekgwa e e tla dirisiwang mo tshenyong, peo ya mafelo otlhe a tshenyo le maemo a pabalesego le tikologo a a amegang go lebelelwa;
g Mefuta le boleng ba meepo yotlhe ya twantsha motho e e sentsweng morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e ya Mokgatlho wa Naga, go tsenyeletsa thubego ya khwanthiti ya mofuta mongwe le mongwe wa moepo wa twantsha motho, go ya ka Athikele 4 le 5, ka go latelana, go bapa le, fa go kgonega, bontsi ba dipalo tsa mofuta wa mongwe le mongwe wa moepo wa twantsha motho mo lebakeng la tshenyo go ya ka Athikele 4;
h Diponagalo tsa bothekeniki tsa mofuta ofe kana ofe mongwe le mongwe wa moepo wa twantsha motho tse di tlhagisiwang, go fitlha fa go itsegeng, le tseo tse jaanong e leng tsa kana di ruilwe ke Mokgatlho wa Naga, go neela, fa go kgonegang, ditlhopha tse di jalo tsa tshedimosetso jaaka fa go ka tsamaisa temogo le kgololo ya moepo wa twantsha motho, kwa minimamong, tshedimosetso e, e tla tsenyeletsa ditekanyo, go kopanya, diteng tsa dithuthupi, diteng tsa tshipi, ditwantsho tsa mebala le tshedimosetso e nngwe e e ka tsamaisang kgololo ya moepo; le i Dikelo tse di tserweng go tlamela kgalemo ya ka bonako e e nonofileng kwa setšhabeng malebana le dieria tsotlhe tse di lemogilweng ka fa tlase ga temana 2 ya Athikele 5.
Tshedimosetso e e tlametsweng go ya ka Athikele e e tla tlalelediwa ke Mekgatlho ya Dinaga ka ngwaga, go akaretsa khalentara ya bofelo ya ngwaga, le go begela Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng e seng morago ga di 30 Moranang ngwaga mongwe le mongwe.
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng o tla tsamaisa dipegelo tsotlhe tse di jalo tse di amogetsweng kwa Mekgatlhong ya Dinaga,
Athikele 8
Tsamaiso le tlhaloso ya tsamaelano
Mekgatlho ya Naga e dumela go buisana le go dirisana le e mengwe malebana le tiragatso ya ditlamelo tsa Tumalano, le go dira mmogo ka mowa wa tirisanommogo go tsamaisa tsamaelano ka Mekgatlho ya Dinaga ka maikaelelo a yona ka fa tlase ga Tumalano.
Fa Mokgatlho wa Naga o le mongwe kana go feta o eletsa go tlhalosa le go batla go rarabolola dipotso tse di amanang le tsamaelano le ditlamelo tsa Tumalano, ka Mokgatlho wa Naga o mongwe, o ka tlisa, ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng, Kopo ya Tlhaloso ya Morero kwa Mokgatlhong wa Naga. Kopo e e jalo e tla felegediwa ke tshedimosetso e e maleba. Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla emela kgakala le Dikopo tsa Tlhaloso tse di sa itsiweng, tlhokomelo e tsewa go thibela tshotlako. Mokgatlho wa Naga o o amogelang Kopo ya Tlhaloso o tla tlamela ka Mokwaledi Kakarteso wa Ditšhaba tse di Kopaneng, mo malatsing a le 28 kwa kopanong ya Mokgatlho wa Naga tshedimosetso yotlhe e e ka thusang mo go tlhaloseng morero o.
Fa Mokgatlho wa Naga o o kopang o sa amogele karabo ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng mo nakong eo, kana o bona karabo kwa Kopong ya Tlhaloso e sa kgotsofatse, o ka nna wa tlisa morero ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng go ya Kopanong e e latelang ya Mekgatlho ya Dinaga. Mokwaledi Kakarteso wa Ditšhaba tse di Kopaneng o tla tsamaisa lokwalo, le felegeditswe ke tshedimosetso yotlhe e e maleba e e tsamaelang le Kopo ya Tlhaloso, go ya Mekgatlhong ya Dinaga. Tshedimosetso yotlhe e e jalo e tla tlhagisiwa kwa Mokgatlhong wa Naga o o kopiwang o o nang le tshwanelo go araba.
Go ikaegilwe ka go tsena ga kopano efe ya Mekgatlho ya Naga, nngwe le nngwe ya Mekgatlho ya Dinaga e e amegang e ka kopa Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng go diragatsa ofisi ya gagwe go tsamaisa tlhaloso e e kopilweng.
Mokgatlho wa naga o o kopang o ka nna wa tshisinya ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng go tsena ga Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga go sekaseka morero. Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng o tla tlhaeletsana tshisinyo mme tshedimosetso yotlhe e e tlisiwang ke Mekgatlho ya Dinaga tse di maleba, kwa Mekgatlhong ya Dinaga ka kopo gore ba bontshe gore a ba rata Kopano e e kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga, ka lebaka la go sekaseka morero. Mo tiragalong e e leng gore malatsi a le 14 go tloga letlheng la tlhaeletsano e e jalo, bogolo nngwe tharong ya Mekgatlho ya Dinaga e rata Kopano e e Kgethegileng, Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng o tla bitsa Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga mo malatsing a le 14 a a latelang. Khoramo ya Kopano e tla nna le bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga, jaaka e kgetsi e ka laolela, e tla tlhomamisa gore a go sekasekwe morero go ya pele, go lebelelwa tshedimosetso yotlhe e e tlisitsweng ke Mekgatlho ya Naga e e amegang. Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Naga e tla dira matsapa otlhe go fitlhelela tshwetso ka tumalano. Fa e le gore le ka matsapa otlhe go fitlha foo ga go tumalano e e fitlheletsweng, go tla tsewa tshwetso ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e e teng e bouta.
Mekgatlho ya Dinaga yotlhe e tla dirisana ka botlalo le Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga mo go tlaleletseng thadiso ya yona ya morero, go akarediwa maikaelelo afe a go batlana le dintlha a a dumeletsweng go ya ka temana 8.
Fa tlhaloso e e tswelelang e tlhokega, Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga e tla dumelela borongwa ba go batlana le dintlha le go swetsa ka kemedi ya yona ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e e leng teng le go bouta. Ka nako efe kana efe Mokgatlho wa naga o o kopiwang o ka nna wa laletsa maikaelelo a go batlana le dintlha kwa nageng ya teng. Borongwa bo bo jalo bo tla diragala kwa ntle ga tshwetso ya Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga go dumelela maikaelelo a a jalo. Maikaelelo a a tshotseng bomaitseanape ba ba ka nnanag 9, ba tlhomilwe le go rebolwa go ya ka ditemana 9 le 10 a ka kgobokanya tshedimosetso e e oketsegileng ka nako eo mo mafelong a mangwe a a amanang ka tlhamalalo le morero wa tsamaiso e e akanngwang ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya Mokgatlho wa Naga o o kopiwang.
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng o tla siamisa le go feleltsa lenane la maina, ditšhaba le data e nngwe e e maleba ya bomaitseanape ba ba rutegileng ba ba tlamelwang ke Mekgatlho ya Dinaga. Moitseanape ofe yo o tsentsweng mo lenaneng le o tla tsewa jaaka yo o tlhomilweng mo maikaelelong otlhe a go batlana le dintlha kwa ntle ga fa Mokgatlho wa Naga o bolela go sa dumeleng ga ona ka go kwala. Mo tiragalong ya go sa dumele, moitseanape ga a ne a tsaya karolo mo borongweng ba go batlana le dintlha mo nageng kana lefelo lefe le le lengwe ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya Mokgatlho wa Naga o o ganetsang, fa go sa dumele go ne go builwe pele ga tlhomo ya moitseanape wa maikaelelo a a jalo.
Mo go amogeleng kopo go tswa Kopanong ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Naga, Mokwaledi Kakaretso wa Dinaga tse di Kopaneng o tla re morago ga dipuisano le Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, a tlhoma maloko a borongwa go akarediwa moeteledipele wa teng. Mekgatlho ya Dinaga tsa boditšhabatšhaba tse di kopang borongwa ba go batlana le dintlha kana ka tlhamalalo e amilwe ke ona ga e ne e tlhomiwa mo borongweng. Maloko a borongwa a go batlana le dintlha a tla itumelela ditshwanelo le ditshoutiso ka fa tlase ga Athikele V ya Tumalano mo Ditshwanelong le Ditshoutisong tsa Mekgatlho e e Kopaneng, e e terweng ka di 13 Tlhakole 1946.
Mo godimo bogolo ga kitsiso ya dirwa tse 72, maloko a borongwa a go batlana le dintlha a tla goroga mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o kopilweng kwa tšhonong ya ka pele. Mokgatlho wa naga o o kopilweng o tla tsaya dikaelo tsa botsamaisi tse di tlhokegang go amogela, go palamisa, le go neela bonno maikaelelo, mme o tla rwala maikarabelo a go netefatsa pabalesego ya borongwa go fitlha makisimamong o o kgonegang fa ba le mo nageng ka fa tlase ga taolo.
Kwa ntle ga ketsaketsego ya boikemelo ba Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, borongwa ba go batlana le dintlha bo ka nna ba tlisa mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o kopilweng sedirisiwa se se tlhokegang se se tla dirisiwang fela go kgobokanya tshedimosetso mo morerong wa tsamaiso e e akanngwang. Pele ga kgorogo, borongwa bo tla gakolola Mokgatlho wa Naga o o kopilweng ka sedirisiwa se ba ikaeletseng go se dirisa mo tseleng ya ona ya borongwa ba go batlana le dintlha.
Mokgatlho wa Naga o o kopileng go tsaya matsapa go netefatsa gore borongwa ba go batlana le dintlha bo newa tšhono go bua le batho botlhe ba ba maleba ba gongwe ba ka kgonang go tlamela tshedimosetso e e amanang le morero wa tsamaisano o o akanngwang.
Mokgatlho wa Naga o o kopilwang o tla naya phitlhelelo kwa borongweng ba go batlana le dintlha go ya dierieng tsotlhe le go tsenya ka fa tlase ga taolo koo dintlha tse di maleba le morero wa tsamaisano o ka solofelwang go tsewa. Seno se tla ikaega ka dithulaganyo tsa Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o o bonang go tlhokega ka:
a Tshireletso ya sedirisiwa se se masisi, tshedimosetso le dieria;
b Tshireletso ya maikano afe a semolaotheo a Mokgatlho wa Naga o a kopileng malebana le ditshwanelo tsa kgono, diphuruphutso le dikgapo, kana ditshwanelo tse dingwe tsa semolaotheo; kana c)) Tshireletso ya sebopego le pabalesego ya maloko a borongwa a go batlana le dintlha.
Mo lebakeng la gore Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o dira dithulaganyo tse di jalo, o tla dira matsapa a a utlwalang go bontsha ka mekgwa ya thefosano tsamaisano ya temg le Tumalano.
Borongwa ba go batlana le dintlha bo ka sala mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o amegang e seng go feta malatsi a le 14, mme kwa lefelong le le rileng e seng go feta malatsi a le 7, kwa ntle le fa go dumalanwe ka tsela e nngwe.
Tshedimosetso yotlhe e e tlametsweng mo sephiring mme sa amane le diteng tsa borongwa tsa go batlana le dintlha bo tla tsholwa mo theong ya sephiri.
Borongwa ba go batlana le dintlha bo tla begela, ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng, kwa Kopanong e e Kgethegileng ya Mokgatlho ya Dinaga dipoelo tsa diphitlhelelo tsa teng.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng, ya Mokgatlho ya Dinaga e tla sekaseka tshedimosetso yotlhe e e maleba, go akarediwa pegelo e e tlisitsweng ka borongwa ba go batlana le dintlha, mme ba ka kopa Mokgatlho wa Naga o o kopilweng go tsaya dikgato go lebelela morero wa tsamaisano mo nakong e e tlhalositsweng. Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla begela ka dikgato tsotlhe tse di tserweng mo karabong ya kopo e.
Kopano ya Mokgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mokgatlho ya Naga e ka tshisinya kwa Mekgatlhong ya Dinaga ditsela tse di amegang le ditsela go tswelela go tlhalosa kana go rarabolola moruo o o sekasekilweng, go akarediwa tshimololo ya ditsela tse di maleba go dumalana le molao wa boditšhabatšhaba. Mo mabakeng a foo morero o o fa isong o o tlhomamisiwang go nna go ya ka mabaka ka kwa ntle ga taolo ya Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, Kopano ya Mekgatlho ya Naga kwa Kopanong e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Naga e ka tshisinya dikelo tse di maleba, akarediwa tiriso ya dikgato tsa tirisanommogo e e boletsweng mo Athikeleng 6.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga e tla tsaya matsapa go fitlhelela ditshwetso tsa teng tse di boletsweng mo ditemaneng 18 le 19 ka tumalano, e seng jalo ka pedi tharong ya bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga tse di leng teng di bouta.
Athikele 9
Tiragatso ya bosetšhaba le dikgato
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tsaya dikgato tdotlhe tse di maleba tsa semolao, tsamaiso le tse dingwe, go akarediwa thweso morwalo ya kotlhao ya tumalano, go thibela le go gatelela tiro efe e e ilediwang ke Mokgatlho wa Naga ka fa tlase ga Tumalano e e dirwang ke batho kana mo nageng ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya teng.
Athikele 10
Tumalano ya dingangisano
Mekgatlho ya Dinaga e tla buisana le go dirisana le yo mongwe go siamisa dingangisano tse dife tse di ka tsogang malebana le kopo kana thanolo ya Tumalano e. Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ka tlisa ngangisano efe e e jalo pele ga Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga e ka nna le seabe mo tshiamisong ya ngangisano ka mokgwa ofe o o bonwang o le maleba, go akarediwa go neelana ka diofisi tse di siameng, go biletsa Mekgatlho ya Dinaga kwa ngangisanong go simolola ka tsamaisano ya tumalano ya tlhopho ya bona le go atlenegisa tekanyetso ya nako ya tsamaiso efe e e dumalanweng.
Athikele e e kwa ntle ga kgobelelo mo tlamelong ya Tumalano mo tsamaisong le tlhalosong ya tsamaisano.
Athikele 11
Dikopano tsa Mekgatlho ya Dinaga
Mekgatlho ya Dinaga e tla kopana kgabetsa gore go sekasekiwe morero ofe kana ofe malebana le tiriso kana tiragatso ya Tumalano e, go akarediwa:
a Tiro le maemo a Tumalano;
b Merero e e twang mo dipegelong tse di tlisitsweng ka fa tlase ga ditlamelo tsa Tumalano e;
c Tirisanommogo le thuso ya boditšhabatšhaba go ya ka Athikele 6;
d Tlhabololo ya dithekenoloji go siamisa meepo ya twantsha motho;
e Tliso ya Mekgatlho ya Dinaga ka fa tlase ga Athikele 8; le f Ditshwetso tse di amanang le ditliso tsa Mekgatlho ya Dinaga jaaka go tlametswe mo Athikeleng 5.
Kopano ya ntlha ya Mekgatlho ya Dinaga e tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng mo ngwageng o le mongwe morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e. Dikopano tse di latelang di tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano ka ngwaga go fitlha Khonferense ya ntlha ya Thadiso.
Ka fa tlase ga maemo a a beilweng mo Athikeleng 8, Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano o tla bitsa Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga.
Dinaga e seng mekgatlho kwa Tumalanong, mmogo le Ditšhaba tse di Kopaneng, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela dikopano tse jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Athikele 12
Khonferense ya Thadiso
Khonferense ya Thadiso e tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano dingwaga tse tlhano morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e. Dikhonferense tse dingwe tsa Thadiso di tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano fa go tlhokiwa ke a le mongwe kana go feta wa Mekgatlho ya Dinaga, fa fela boikhutso magareng ga Dikhonferense tsa Thadiso ga di ne di nna kwa tlase ga dingwaga tse tlhano. Mekgatlho yotlhe ya Dinaga mo Tmalanong e e tla lalediwa kwa Khonferenseng nngwe le nngwe ya Thadiso.
Maikaelelo a Khonferense ya Thadiso e tla nna:
a Go thadisa tiro le maemo a Tumalano e.
b Go sekaseka tlhokego ya le boikhutso magareng ga Dikopano tse dingwe tsa Mekgatlho ya Dinaga e e boletsweng mo temaneng ya 2 ya Athikele 11.
c Go tsaya ditshwetso ka dikwalo tsa Mekgatlho ya Dinaga jaaka e tlameletswe mo Athikeleng 5; le d Go tsaya, fa go tlhokega, mo pegelong ya yona ya bokhutlo ya bofelo e e amanang le tiragatso ya Tumalano
Dinaga tse e seng mekgatlho ya Tumalano e, mmogo le Ditšhaba Kopano, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela Khonferense ya Thadiso nngwe le nngwe jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Athikele 13
Dimametlelelo
Ka nako nngwe le nngwe morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ka tshisinya dimametlelelo mo Tumalanong e. Tshisinyo efe kana efe ya mametleleo e tla tlhaelediwa kwa Mmeletsing, yo o tla e tsamaisang kwa Mekgatlhong yotlhe ya Dinaga mme o tla batlana le dikakanyo tsa yona mo go reng a Khonferense ya Mametlelelo e tshwanetse go bidiwa go sekaseka tshisinyo fa bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e itsise Mmeletsi e seng morago ga malatsi a le 30 morago ga tsamaiso ya teng gore e tshegetsa tshekatsheko ya tshisinyo, Mmeletsi o tla bitsa Khonferense ya Mametlelelo e kwa go yona Mekgatlho yotlhe ya Dinaga e tla lalediwang.
Dinaga tse e seng mekgatlho ya Tumalano e, mmogo le Ditšhaba Kopano, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela Khonferense ya Thadiso nngwe le nngwe jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Khonferense ya Mametlelelo e tla tshwarwa ka bonako go latela Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Khonferense ya Thadiso kwa ntle le fa bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga di kopa gore e tshwarwe e sale gale.
Mametlelelo efe kana efe mo Tumalanong e e tla tsewa ke bontsi ba pedi tharong ya Mekgatlho ya Dinaga le go bouta kwa Khonferenseng ya Mametlelelo. Mmeletsi o tla tlhaeletsana mametlelelo efe kana efe e e tserweng kwa Mekgatlhong ya Dinaga.
Mametlelelo mo Tumalanong e tla tsena mo tirisong mo Mekgatlhong yotlhe ya Dinaga tsa Tumalano e tse di e eamogetseng, mo peeletsong le Mmeeletsi wa didirisiwa tsa kamogelo ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga. Morago ga foo e tla tsenela mo tirisong Mokgatlho wa Naga ofe kana ofe ka letlha la peeltso ya sedirisiwa sa kamogelo.
Athikele 14
Ditshenyegelo
Ditshenyegelo tsa Dikopano tsa Mekgatlho ya Dinaga, Dikopano tse di Kgethegileng tsa Mekgatlho ya Dinaga, Dikhonferense tsa Thadiso le Dikhonferense tsa Mametlelelo di tla rwalwa ke Mekgatlho ya Dinaga le Dinaga e seng mekgatlho mo Tumalanong e e tsayang karolo, go ya ka sekale sa Dinaga tse di Kopaneng se tlhatlhoba se se lekanyeditsweng sentle..
Ditshenyegelo tse di bonweng ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano ka fa tlase ga Athikele 7 le 8 le ditshenyegelo dife kana dife tsa borongwa ba go batlana le dintlha di tla rwalwa ke Mekgatlho ya Dinaga go ya ka sekale sa tlhatlhobo sa Ditšhaba Kopano se se lekanyeditsweng sentle.
Athikele 15
Tshaeno
Tumalano e, e e dirilweng kwa Oslo, Norway ka di 18 Lwetse 1997, e tla bulelwa ditshaeno kwa Ottawa, Canada, ka Dinaga tsotlhe go tloga di 3 Sedimonthole 1997 le kwa Dikotaseng tse dikgolo tsa Ditshaba Kopano kwa New York go tloga di 5 Sedimonthole 1997 go fitlha tsenong ya yona mo tirisong.
Athikele 16
Tshiamiso, kamogelo, thebolo le phitlhelelo
Tumalano e ikaegile ka tshiamiso, kamogelo le thebolo ya Ditshaeno.
E tla bulelwa phitlhelelo ke Naga efe kana efe e e sa saenang Tumalano.
Didirisiwa tsa tshiamiso, kamogelo, thebolo le phitlhelelo di tla beelediwa le Mmeeletsi.
Athikele 17
Tseno mo tirisong
Tumalano e a tsena mo tirisong ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya borataro morago ga kgwedi e mo go yona sedirisiwa sa bo 40 sa tshiamiso, kamogelo, thebolo kana phitlheleloe e beeleditsweng.
Mo Nageng ngwe le nngwe e e tsayang sedirisiwa sa yona sa tshiamiso, kamogelo, thebolo le phitlhelelo, Tumalano e e tla tsena mo tirisong ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya borataro morago ga letlha le mo go lona Naga e beileng sedirisiwa sa yona sa tshiaimiso, kamogelo, thebolo kana phitlhelelo.
Athikele 18
Kopo ya nakwana
Naga efe kana efe ka nako ya tshiamiso, ya kamogelo, thebolo kana phitlhelelo ya yona, e kaya gore e tla dirisa temana 1 ya Athikele 1 nakwana ya Tumalano e e ikaegileng ka go tsena ga yona mo tirisong.
Athikele 19
Dipeeletso
Diathikele tsa Tumalano e ga di ne di ikaega ka dipeeletso.
Athikele 20
Nako le kgogelomorago
Tumalano e e tla nna ya nako e e sa lekanyediwang.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla, mo go direng boikemelo ba setshaba, o na le tshwanelo go ikgogela morago go tswa Tumalanong e, o tla neela kitsiso ya ikgogelomorago e e jalo kwa Mekgatlhong yotlhe e mengwe ya Dinaga, kwa Mmeeletsing le kwa Lekgotleng la Tshireletso ya Ditšhaba tse di Kopaneng. Sedirisiwa se se jalo sa ikgogelomorago se tla tsenyeletsa tlhaloso e e tletseng ya mabaka a a tshegetsang kgogelomorago e.
Ikgogelomorago e e jalo e diragala fela dikgwedi tse thataro morago ga kamogelo ya sedirisiwa sa kgogelomoragp ka Mmeeletsi. Ka gale, fa ka nako ya go feta ya dikgwedi tse thataro, Mokgatlho wa Naga, o oikgogelang morago o amegile mo thulanong ya dibetsa kgogelomorago ga e ne e diragala pele ga bofelo ba thulano ya dibetsa.
Kgogelomorago ya Mokgatlho wa Naga go tswa Tumalanong e, ga e ne ka tsela epe e ama tiro ya Dinaga go tswelela go diragatsa maikaelelo a a akantsweng ka fa tlase ga melawana efe e e maleba ya molao wa boditšhaba.
Athikele 21
Mmeeletsi
Mokwaledi Kakaretso wa Dinaga Kopano o tlhomiwa fano jaaka Mmeeletsi wa Tumalano.
Athikele 22
Tshimologo ya Tumalano e, e ka yona dithekese tsa Maarabia, Matšhaena, Maesimane, Maforanse, Marašia le Masepeniše ke tsa nnete ka go lekana, di tla beelediwa le Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano.
